Phanele ya Keletso ka ga Dithekenoloji tsa Puo ya Motho
Ka Lwetse 2000 Komiti ya Dipaakanyo e ne ya wetsa tiro ya yone, mme ka Diphalane 2000 tlhagiso e ne ya neelwa Lekgotla la PANSALB. Pegelo e ne ya amogelwa, mme tshisinyo e e kopanetsweng e ne ya fetisediwa ke PANSALB le Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (NLS) kwa go Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji go tswelela ka tiro e. Tona Ben Ngubane o ne a tsiboga ka go supa Phanele ya Keletso ka ga Human Language Technology (HLT) e tiro ya yone e neng e le go tlhotlhomisa bokao le ditshenyegelo tsa tiro ya go tlhabolola HLT mo Aforika Borwa.
maiteko a go aga bokgoni jwa HLT le go dirisa thekenoloji go tsweletsa tiriso ya dipuo tse dintsi le go itlhaganedisa tlhabololo ya dipuo tsa tlholego tse di ntseng di itlhokomolositswe."
Ikaniso ya Phanele, 7 Ngwanatsele 2001, Tshwane.
MALOKO A PHANELE
BOKWALEDI
PONELOPELE
Ponelopele e kgolo ya Phanele ya Keletso ke go tlhoma mafaratlhatlha a a ka ikemelang a tlhabololo ya HLT mo Aforika Borwa a a tla siamelang tlhabololo ya puo e e maleba le tiriso ya dithekenoloji tsa puo mo dipuong tsotlhe tsa semmuso go -
i kgotsofatsa ditlhokego tsa baagi kwa maemong a a farologaneng mo tlhabololong ya Setlhopha sa Tshedimosetso e e itlhagisang mo dikarolong tse di tshwanang le mmuso ka eleketeroniki e-governance, go ithuta ka eleketeroniki e-learning, kgebisano ka eleketeroniki e-commerce, jalo le jalo, le ii tshwaraganya kgaogano ka dipalo go tshola naga e itse ka ga ditlhabologo mo lephateng la Tshedimosetso le Dithekenoloji tsa Tlhaeletsano.
Phanele e batla go tlhama mafaratlhatlha a a ka nnang le seabe mo tlhomamisong ya dintlha tsa botlhokwa tsa bosetšhaba le go bebofatsa ditiro mo go saleng dintlha tse tsa botlhokwa morago. Ka tshwanelo, mafaratlhatlha a go nna jaana a tla kopanya maiteko a mefuta e meraro e megolo ya batsayakarolo:
i Mmuso wa bosetšhaba jaaka motlhokomedi wa dipuo tsa semmuso, gammogo le mebuso ya diporofense le dipusoselegae le dipharaseteite jaaka jaaka badirisi ba bofelo ba dikuno tse di itirisang tsa dipuo tse dintsi go lebeletswe thata tokafatso ya ditirelo.
Se e tla nna tsweletso ya maiteko a Phunyeletso ya eleketeroniki a mmuso wa bogareng gore kwa bokhutlong o tlamele baagi ka ditirelo tsa eleketeroniki ka dipuo tse ba di ratang;
ii Lephata la poraefete ka bophara jaaka batlhabolodi le jaaka badirisi ba bofelo ba puo le dikuno tsa eleketeroniki tse di ikaegileng ka puo;
iii Dirutegi le mekgatlho e e thusang ka matlole e e rweleng maikarabelo a dipatlisiso, tlhabololo le tokafatso bokgoni jwa badiri mo lephateng la Dithekenoloji tsa Puo ya Motho.
Phanele e bonela pele tlhabololo ya intaseteri ya HLT mo Aforika Borwa go tshwana le e e leng teng ya tiriso ya dipuo tse dintsi ya Yuropa (multiligual Europe), fela e fokoditswe le go lekanyetswa ditlhokego tsa selegae. Phanele e tshwanetse go neela pegelo ya yona ka Phatwe 2002.
MOKGWA WA TIRAGATSO
Phanele e kopana kgafetsakgafetsa mme e tla ikgolaganya le batsayakarolo mo nakong e e sa fediseng pelo. Mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego a ka ikgolaganya le Mogokaganyi nako nngwe le nngwe go bona tshedimosetso go ya pele.
DIKGANG
Go rulagantswe dithutano tse di kgethegileng tse di tla tshwarwang ka 22 Motsheganong kwa Tshwane. Tsweetswee tlhokomela sekgala se go bona dintlha.
DIKAMANO
Aforika Borwa
Boditšhabatšhaba
Ditlhagiso
Tlhagiso e neetswe Lekgotla la PANSALB ka la 15 Tlhakole 2002. Tlhagiso e, e bontsha tiro e e solofetsweng ya Diyuniti tsa Bosetšhaba tsa Dithanodi mo tlhabololong ya Thekenoloji ya Puo ya Motho mo Aforika Borwa.
Ditshwaelo le kgolagano
Ditshwaelo go tswa go mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego di a amogelwa.
Ikgolaganye le Porofesara J C Roux tsweetswee
Mogala: (+27) 021 808 2017 Fekese: (+27) 021 808 3975
